BATHO BA BA NNANG KWA HAMMANSKRAAL LE DIKAROLO TSE DI MO TIKOLOGONG YA YONE BA KOPIWA GORE BA SE KA BA NWA METSI A A TSWANG MO DIPOMPONG KA NTLHA YA LEWO LA BOLWETSE

Toropokgolo ya Tshwane e rata go baagi ba kwa Hammanskraal le mafelo a a maapi go se dirise nwe metsi a a tswang mo dipompong  ka ntlha ya lewo le le tlisitseng bolwetse mo lefelong leo.

Le fa gone metsi a a tlamelwang ke Toropokgolo kwa Hammanskraal, e se a a nowang, Toropokgolo eno e romela metsi a a nowang ka ditanka tsa metsi di le 52 go ya kwa mafelong a baipei ka makgetlo a le mararo mo bekeng, le  go romela dilori tsa metsi di le 40 ka tsatsi  go ya kwa mafelong a a kwadisitsweng a a kwa Kgaolong ya 2. Seno se dirwa go netefatsa fa batho ba nwa metsi a a phepa.

Toropokgolo e dira diteko ka metlha tsa boleng jwa metsi a a abelwang baagi ba rona. Mme morago ga go runya ga lewo leno, go tla dirwa diteko tse di tseneletseng mo netewekeng yotlhe ya metsi.

Go tserwe disampole tsa metsi mo mafelong a a amilweng ke bolwetse jono mme a rometswe gore go dirwe diteko go tlhomamisa gore ke eng se se bakileng bolwetse jono ,mme go dipoelo tsa diteko di solofetswe ka Laboraro. Bangwe ba batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jono, ba kwa kgaolong ya Moretele e e sa tlamelweng ke Toropokgolo ya Tshwane.

Gompieno badiredi ba Lefapha la Boitekanelo la Toropokgolo ba tla boela gape kwa mafelong a a amegileng go tsaya disampole tse dingwe go tswa mo ditankeng tsa metsi tse di tlamelang metse ya baipei ka metsi.

Ditlhopha tsa tsibogelo ya go runya ga lewo  di mo lefelong leo go dira tiro ya go tlhokomela le go tsaya disampole tsa metsi. Batho ba rotloediwa go ya kwa lefelong la kalafi le le gaufi ka bonako fela fa ba itemogela matshwao a bolwetse. Ditheo tsa boitekanelo di nna di eme sejaro go thusa ka bonako balwetse ba ba nang le matshwao a bolwetse.

Toropokgolo e emetse dipoelo ka tlhoafalo, tse di tswang go Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Fetelang (NICD) go tlhomamisa se se bakileng lewo leno.

Toropokgolo eno e rata go rotloetsa baagi ba mafelo a a amilweng ke lewo leno gore ka metlha ba tlhatswe dikgamelo tse ba di dirisang go gelela metsi a a tswang mo ditankeng ka Jik, le go bedisa metsi a a tswang mo metsweding e mengwe pele ba a nwa. Mme e bile batho ba rotloediwa go se dire ditiro tsa bodumedi tse di jaaka go kolobetsa mo dinokeng kgotsa mo melatswaneng.

Tags: No tags

Add a Comment

Your email address will not be published. Required fields are marked *